Matthew 18

Yo o tlaa nnang mogolo kwa legodimong

1Mme erile ka nako eo barutwa ba tla kwa go Jesu go mmotsa gore ke ofe wa bone yo o tlaa nnang mogolo mo Bogosing jwa Legodimo. 2Jesu a bitsa ngwana yo monnyennyane a mmaya fa fatshe fa gare ga bone, 3mme a re, “Fa e se fela lo boela Modimong lo latlha dibe tsa lona lo bo lo nna jaaka bana ba bannyennyane, ga lo kitla lo tsena mo Bogosing jwa Legodimo. 4Jalo he, le fa e le mang yo o ingotlang jaaka ngwananyana yo monnyennyane yo, o mogolo bogolo mo Bogosing jwa Legodimo. 5Mme le fa e le mang mo go lona yo o tsholang ngwananyana yo monnyennyane jaaka yo, ka ntlha ya gore lo ba me, o tshola nna ebile o a ntlhokomela. 6Mme le fa e le mang yo o dirang gore mongwe wa ba ba botlana ba, ba ba dumelang mo go nna a latlhegelwe ke tumelo ya gagwe, go ka nna botoka mo go ene go golegelelwa lefika mo thamung a ba a latlhelwa mo lewatleng.

7“A bo go latlhega lefatshe ka ntlha ya masula otlhe a jone. Gonne thaelo e na le go tla fela, mme a bo go latlhega motho yo thaelo e tlang ka ene. 8Jalo fa seatla sa gago kgotsa lonao lo go leofisa, lo kgaole o lo latlhe. Go botoka go tsena mo legodimong o golafetse go na le go tsena mo moleting ka mabogo le maoto a le mmogo. 9Mme fa leitlho la gago le go leofisa, le gonye o le latlhe. Go botoka go tsena mo legodimong ka leitlho le le lengwe go na le go tsena mo moleting ka a le mabedi.

Setshwantsho ka nku e e timetseng

10“Itiseng gore lo seka lwa lebela ope wa bananyana ba ba nnyennyane ba kwa tlase. Gonne ke lo bolelela gore kwa legodimong baengele ba bone ba fa pele ga ga Rre ka metlha yotlhe. 11Mme nna, Morwa Motho, ke tletse go boloka ba ba latlhegileng.

12“Fa motho a na le dinku di le lekgolo, mme e nngwe e tsamaya e bo e timela, o tlaa dira eng? A ga a na go tlogela tse di masome a fera bongwe le metso e fera bongwe a ba a ya kwa dithabeng go ya go batla e e latlhegileng? 13Mme fa a e bona, o tlaa e itumelela go gaisa tse di masome a fera bongwe le metso e fera bongwe tse di babalesegileng kwa gae! 14Fela jalo, ga se go rata ga ga Rre gore le fa e le mang wa ba bannye ba a nyelele.

Fa mokaulengwe a go foseditse

15“Fa wa gaeno a go leofela, ya kwa go ene ka sephiri go mo kaela molato o. Fa a reetsa a ba a ipona phoso, o gapile wa gaeno. 16Fa a gana, ke gone tsaya mongwe kgotsa ba le babedi lo boele go ene gape, go tlhomamisa sengwe le sengwe se o se buang ka bone basupi ba. 17Mme fa a sa ntse a gana go reetsa, isa ngongorego ya gago kwa phuthegong, mme fa katlholo ya phuthego e dumalana nao mo kgannyeng e, mme ene a sa dumalane, phuthego e tshwanetse go mo kgaola. 18Mme ke lo bolelela se, le fa e le eng se lo se bofang mo lefatsheng se bofiwa kwa legodimong, mme le fa e le eng se lo se bofololang mo lefatsheng, se tlaa bofololwa kwa legodimong.

19“Gape ke lo bolelela se, fa ba le babedi ba lona fano mo lefatsheng ba dumalana kaga sengwe se lo se kopang, Rara yo o kwa legodimong o tlaa se lo direla.

20“Gonne kwa bobedi kgotsa kwa boraro bo phuthegelang teng ka ntlha ya gore ke ba me, ke tlaa bo ke le gone tota fa gare ga bone.”

Monna yo o setlhogo

21Mme ga tla Petere a mmotsa a re, “Morena, ke tshwanetse go itshwarela wa gaetsho ga kae fa a nteofela? Ga supa?”

22Mme Jesu a fetola a re, “Nnyaa, masome a supa a ntsifaditshwe ga supa!

23“Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwantshiwa le Kgosi e e neng e ikaeletse go gakolola batho go mo duela melato ya bone. 24Fa go ntse go tsweletswe, mongwe wa ba ba nang le molato nae yo e neng a mo kolota didikadike di le lesome tsa dipula! (P10,000,000) a tlisiswa kwa go ene. 25A se ka a kgona go duela, jalo Kgosi ya laola gore a rekisiwe ka ntlha ya sekoloto le mosadi wa gagwe le banna le sengwe le sengwe se a neng a na naso.

26“Mme monna a wela fa fatshe fa pele ga kgosi ka sefatlhogo a re, ‘Ao Morena, nna pelotelele mo go nna mme ke tlaa duela sekoloto sotlhe’.

27“Mme kgosi ya mo utlwela botlhoko mme ya mo golola ya mo itshwarela molato.

28“Mme erile fa monna a tlogela kgosi a ya kwa monneng yo o mo kolotang dipula di le dikete tse pedi, a mo tshwara ka mometso a batla tuelo ya gagwe ka nako eo.

29“Monna a wela fa fatshe fa pele ga gagwe mme a mo kopa go mo fa lobakanyana. A mo rapela a re nna pelotelele mme ‘ke tlaa duela’. 30Mme yo o kolotwang a se ka a dumela go mo letela. A laola gore a tshwarwe a ba a tlhatlhelwe mo tlung ya kgolegelo go fitlhelela molato o duelwa otlhe.

31“Mme ditsala tsa monna yo o mo tlung ya kgolegelo tsa ya kgosing go e bolelela se se diragetseng. 32Mme kgosi ya bitsa monna yo e neng e mo itshwaretse sekoloto se se gakgamatsang ya re, ‘Molotsana ke wena yo o pelo e maswe! Ke go itshwaretse sekoloto se se gakgamatsang, fela ka ntlha ya gore o nkopile, 33a ga o a tshwanela go nna le kutlwelobotlhoko mo go ba bangwe, fela jaaka ke ne ka nna le kutlwelobotlhoko mo go wena?’ 34Mme kgosi e e kgopegileng ya romela monna yo kwa tlung ya kgolegelo go fitlhelela a duela thebe ya bofelo ya madi a a a kolotang. 35Mme Rara wa legodimo o tlaa lo direla fela jalo fa lo gana go itshwarela bangwe ka-lona ka boammaaruri.”
Copyright information for TsnLEF